Acts 3

Petere o fodisa segole

1Erile maitsiboa mangwe Petere le Johane ba ya kwa Tempeleng go ya go kopanela merapelo e e neng e nna ka nako ya boraro malatsi otlhe. 2Ya re ba atamela Tempele, ba bona monna yo o neng a sale a nnanye go tsweng mo sebopelong sa ga mmaagwe a rwelwe mo tseleng mme a bewa fa thoko ga kgoro ya Tempele e e neng e bidiwa Bontle, ka e ne e le tlwaelo ya gagwe ya malatsi otlhe.

3Ya re Petere le Johane ba feta gaufi nae a ba kopa madi.

4Ba mo tlhoma matlho, mme Petere a re, “Leba kwano!”

5Segole sa ba tlhoma matlho ka tlhoafalo, se solofetse mpho nngwe.

6Mme Petere a mo raya a re, “Ga re na madi a re ka go a nayang! Mme ke tlaa go naya sengwe! Ke go laola ka leina la ga Jesu Keresete wa Nasaretha ka re, Ema o tsamaye!”

7
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 3:8.
8
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 3:7-8.
Petere a tshwara segole ka seatla a se emisa ka dinao. Mme ya re a dira jalo, maoto a monna yoo le magwejana a fodisiwa a bo a nonotshiwa mo e leng gore o ne a ba a kgona go tlolaka, a ema foo lobakanyana mme a simolola go tsamaya! Mme a tsamaya a tlolaka a baka Modimo a tsena le bone mo Tempeleng.

9Erile fa batho ba ba mo Tempeleng ba mmona a tsamaya ebile ba utlwa a galaletsa Modimo, 10ebile ba lemoga fa e le mokopi yo ba mmoneng gantsi fa kgorong e e bidiwang Bontle, ba hakgamadiwa ke se se diragetseng. 11Ya re a ntse a ngaparetse Petere le Johane, batho botlhe ba taboga ba ba kgobokanela kwa loobong lo lo bidiwang lwa ga Solomone ba hakgametse thata.

Petere o rera ka Keresete

12Mme Petere a bona sebaka sa go bua le batho a ba raya a re, “Batho ba Iseraele, ke eng se se hakgamatsang thata kaga se? Ke eng fa lo re lebile thata jaaka o ka re re fodisitse monna yo ka nonofo le ka bo-Modimo jwa rona re dirile gore a tsamaye? 13Gonne ke Modimo wa ga Aberahame, Isake, Jakobe le Modimo wa borra-a-rona mogolwagolwane o o lerileng kgalalelo mo motlhankeng wa one Jesu Keresete ka go dira jalo. Ke raya Jesu yo lo mo itatotseng fa pele ga ga Pilatwe, mo godimo ga maikaelelo a ga Pilatwe a go mo golola. 14Ga lo aka lwa batla gore moitshepi yo o siameng yo a gololwe. Mo boemong jwa gagwe lwa lopa gore go gololwe mmolai. 15Mme lwa bolaya Motlhodi wa botshelo; mme Modimo wa mo rudisa mo losong. Mme nna le Johane re basupi ba selo se se diragetseng se, gonne, erile lo sena go mmolaya ra mmona a tshela! 16Leina la ga Jesu le fodisitse monna yo, mme lo itse gore o ne a le segole jang pele. Go fola mo go itekanetseng mo go dirilwe ke go dumela mo leineng la ga Jesu le tumelo e re e neilweng ke Modimo.

17“Bakaulengwe ba ba rategang, ke lemoga gore se lo se dirileng mo go Jesu lo se dirile ka go tlhoka kitso; mme le baeteledipele ba lona ba ka bolelwa fela jalo.

18“Mme Modimo o ne o diragatsa seporofeso sa gore Mesia o tshwanetse go boga dilo tse tsotlhe. 19Ke gone sokololelang ditlhaloganyo le megopolo ya lona kwa Modimong, lo sokologele kwa go one gore o tlose maleo a lona o bo o lo leretse metlha ya boitumelo jo bo tswang kwa Moreneng, 20le go re a bo a lo romelele Jesu Mesia wa lona gape. 21
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 3:22.
22
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 3:21-22.
Gonne o tshwanetse go nna kwa legodimong go fitlhelela nako e Modimo o busetsang dilo tsotlhe mo maemong a tsone, jaaka go porofitilwe mo dinakong tsa bogologolo. Fela jaaka Moshe a kile a bua bogologolo a re, ‘Morena Modimo o tlaa tsosa Moporofiti mo gare ga lona yo o tlaa tshwanang le nna! Lo mo reetseng ka kelo-tlhoko mo go sengwe le sengwe se o se lo bolelelang.
23Lefa e le mang yo o se kitlang a mo reetsa o tlaa senyediwa ruri. 24Samuele le moporofiti mongwe le mongwe ga ba bolo go bolela kaga se se diragalang gompieno.’

25“Lo bana ba baporofiti bao; mme lo baletswe mo tsholofetsong ya Modimo e o e diretseng bagologolwane ba lona go segofatsa lotlhe ka Bajuta, eo ke tsholofetso e Modimo o e neileng Aberehame. 26Mme erile fela fa Modimo o sena go rudisa motlhanka wa one mo baswing, o ne wa mo roma pele kwa go lona batho ba Iseraele, go lo segofatsa ka go lo sokolola mo dibeng tsa lona.”
Copyright information for TsnLEF